Matthew 7

Go kgala ba bangwe

1“Se sekiseng mme ga lo na go sekisiwa! 2Gonne ba bangwe le bone ba tlaa lo tsaya fela jaaka lo ba tsaya.

3“Mme o tshwenyegelang kaga selabe se se mo leitlhong la mongwe ka wena fa o na le sehidikwe mo go la gago? 4A o tlaa re, ‘Tsala, mma ke go thuse ke ntshe selabe seo mo leitlhong la gago; fa tota o sa bone ka ntlha ya sehidikwe se se mo go la gago’ 5Moitimokanyi! Pele ntsha sehidikwe se se mo leitlhong la gago. Ke gone o ka bonang go thusa mongwe ka wena.

6“Se neeleng dikolobe dilo tsa lona tsa botlhokwa (diperela)! Di tlaa di gataka di be di retologela kwa go lona di lo tlhasela.

7“Kopang, mme lo tlaa newa se lo se kopang. Batlang, mme lo tlaa bona. Kokonyang, mme lo tlaa bulelwa.

8“Gonne mongwe le mongwe yo o kopang, o a amogela. Le fa e le mang yo o batlang, o a bona; fela fa o kokonya, o tlaa bulelwa. 9Fa ngwana a kopa rraagwe dijo, a o tlaa neelwa lentswe mo boemong jwa tsone? 10Fa a kopa tlhapi, a o tlaa neelwa noga e e nang le botlhole? Nnyaa! 11Mme fa lona ba ba dipelo di thata, badira-dibe lo itse go fa bana ba lona dimpho tse di siameng, a Rraa-lona yo o kwa legodimong ga a na go naya ba ba mo kopang dimpho tse di siameng fela jalo?

12“Direlang ba bangwe se lo batlang ba se lo direla. Se ke thuto ya melao ya ga Moshe ka mafoko a makhutshwane.

13“Legodimo le ka tsenwa fela ka kgoro e tshesane. Tsela e kgolo e e yang kwa moleting e atlhame, kgoro ya one e atlhametse bontsintsi jo bo tlhophang tsela ya one e e motlhofo. 14Mme boatlhamo jwa kgoro e e isang botshelong bo bonnye, le tsela e tshesane, mme basekae fela ba a e bona.

Baruti ba ba maaka

15“Itiseng mo baruting ba e seng bone ba ba tlang ba apere jaaka dinku tse di senang molato, mme e le diphiri tse di lo gagoganyang. 16Lo ka ba lemoga ka tsela e ba dirang ka yone, fela jaaka lo ka lemoga setlhare ka loungo lwa sone ga lo kake lwa tshwantshanya mofine le ditlhare tse di mitlwa! Kgotsa difeige le masitlwana! 17Mefuta ya ditlhare tsa loungo e ka lemogwa ka bofefo ka go tlhatlhoba loungo lwa tsone. 18Mofuta o o ungwang loungo lo lo monate ga o ke o ungwa mofuta o o sa jeweng! 19Jalo he ditlhare tse di nang le loungo lo lo sa jeweng di a rengwa di bo di latlhelwa mo molelong. 20Ee, tsela ya go lemoga setlhare kgotsa motho ke ka mofuta wa loungo lo o lo ungwang.

21“Ga se botlhe ba ba buang boModimo ba ba ntseng jalo. Ba ka mpitsa ‘Morena’ mme ga ba kitla ba ya legodimong. Gonne potso ya botlhokwa ke gore a ba reetsa Rre yo o kwa legodimong.

22“Ka letsatsi la katlholo ba le bantsi ba tlaa nthaya ba re, Morena Morena, re boleletse ba bangwe ka ga gago ra ba ra dirisa leina la gago go lelekela badimo ntle le go dira dikgakgamatso tse dingwe tse dintsi. 23Mme ke tlaa fetola ke re, ‘Ga lo ise lo ke lo bo lo nne ba me. Tsamayang, gonne ditiro tsa lona di bosula’,

Batlhalefi le dieleele

24“Botlhe ba ba reetsang ditaelo tsa me ba di sala morago, ba botlhale, jaaka monna yo o agang ntlo ya gagwe mo lefikeng le le kwenneng. 25Le fa pula e tla ka bontsi morwalela o bo o tlhatloga mme go tsubutla ditsuatsue ka fa ntle ga ntlo ya gagwe ga e kitla e wa, gonne e agilwe mo lefikeng.

26“Mme ba ba utlwang ditaelo tsa me, mme ba sa di tlhokomele ba dieleele, jaaka monna yo o agang ntlo ya gagwe mo motlhabeng. 27Gonne fa dipula le merwalela di tla, mme diphefo di foka di itaaka ntlo ya gagwe, e tlaa gosomana mo go golo.” 28Bontsintsi jwa batho bo ne jwa gakgamadiwa ke thuto ya ga Jesu. 29Gonne o ne a ruta jaaka mongwe yo o nang le nonofo e kgolo, eseng jaaka baeteledipele ba bone ba Sejuda.
Copyright information for TsnLEF